A re tsibogeleng dikankere ka mefuta

Bolwetse ja kankere bo itsege thata ka go tlhoka kalafi. Fa bo tshwarwa mo mothong go ne go raya gore malatsi a gagwe a botshelo a setse a ngotlegile.

Gago sa tlhola go ntse jalo le mororo kankere e ise e bone kalafi sentle e bongaka bo ka e dirisang go bo alafa. Go santse go tshwarwa kwa le kwa ka go lebega kalafi e go beilweng mo go yone e na le ditlamorago tse di botlhoko go gaisa mo di kgonang le gone go gapela balwetse botshelo. Bontlhabongwe ja kalafi ya kankere bo ntse bo lebalesegile ebong kitso ka yone mo setshabeng.

Maiteko a go fa setshaba kitso ka kankere mo Botswana a simologile a remeletse mo kankereng ya lebele ee amang bomme thata. Mme erile dikgang di ntse diya ga no go latlhelwa ka mehuta e mengwe ya dikankere jaaka ya molomo wa popelo (cervical cancer), kankere ya ee amang thata borre ya setlha (prostate cancer), kankere ya letlalo (Kaposis Sarcoma) le tse dingwe. Ere ntswa re lebogela dithuto tsa babotsogo mabapi le kankere ya lebele, re dumela fa mehuta e mengwe ya kankere le yone e tshwanetse ya tlhagafalelwa ya rutiwa setshaba. Se se ka se thusa go e tsibogela nako e sale teng. 

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up