A re tsamaeleng go lekgolo!

Dingwaga tse di masome matlhano tsa boipuso ja Botswana di wetse beke e e fetileng ka Labotlhano. Mme go supagetse sentle gore Batswana ba ne ba ntse ba letile se ka dipelo di tletse boitumelo jwa diphitlhelelo tsotlhe tsa lefatshe la bone.

Se re solofela gore se se tlaa tswelela go ya dingwageng tse lekgolo tsa boipuso jo bo senang tshololo ya madi, le dintwa tsa semorafe.

Batho botlhe ba ba neng ba le mo Botswana, go tloga fela kwa bokone go ya borwa, kgotsa go tswa botlhaba go ya bophirima ba ka bolela gore ga gona moletlo ope o o kileng wa tshwarwa mo lefatsheng le, o o gaisitseng moletlo wa boipuso wa monongwaga. Botlhe ba bolela ka fa BOT50 e neng e le kwa mankalenkaleng ka teng. Monate ba bua fela ba sa tshabe sepe go supa gore puso e ba diretse gotlhe mo e ka go kgonang.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up