A re lebetse kitso ka thibelo HIV?

No Image

Gongwe le gongwe kwa o ka kgonang go tsamaela teng, a ke kwa metseng le ditoropo, madirelo a marekisetso, maphata a puso le makalana a a ikemetseng ka nosi, go thona gore o ka kopana le motho a sa itsi gotlhelele ka kitso ya thibelo ya mogare wa HIV.

Bosupi bo supa fa go anamisa ga mogare wa HIV o tsweletse go anama ka tlhobalano bogolo jang magare ng ga banana. Gape tota kitso ka mogare wa HIV e botlhokwa fa go batliwa ditsela dingwe tsa go tsaya mekgwa e e tla fokotsang go anamisega ga bolwetsi jo. Tsela ngwe e e tla thusang go tswelela pele mabapi le kitso ya mafatshe-fatshe ke go sekaseka kitso ya banana ka go tshelwana ga mogare wa HIV. Palo ya banana ba basetsana le basimane ba dingwaga tse di magareng ga lesome le botlhano (15) le masome a mabedi le bo nne (24) e supile ditsela tse di siameng tsa go thibela kanamo ya mogare o wa HIV gotlhe le ba ba ganneng  dikakanyo tse eseng tsa nnete tsa go anamisa mogare wa HIV di ne tsa batliwa.

Le fa go ntse jalo, go ya ka palo-batho ya bofelo (Statistics Botswana, 2011), batho ba ka nna 426,400 ba palo ya Botswana ke banana ba ba naleng dingwaga di le lesome le botlhano (15) go ya kwa go masome a mabedi le bone (24). Dipatlisiso tsa ngwaga wa 2013 tsa BAIS IV di supa fa banana ba dingwaga tse ba nale kitso e e ko godimo ya bolwetsi ja HIV. Ke patlisiso yone e, e e supileng fa banana ba dingwaga tseo ba nale kitso e e ko tlase ka mogare wa HIV. Le mororo seemo se tokafetse fa go tshwantshwangwa le ngwaga wa 2008 le wa 2004, go sekasekiwa go ya ka bong, dipatlisiso tsa ngwaga wa 2013 di supa fa go sena pharologanyo ya kitso magareng ga basimane le basetsana ba dingwaga tsa lesome le botlhano le masome a mabedi le bone.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up