A motokwane o kalwe gape � Mosekisiwa
Wednesday, December 09, 2015
Moleele o dirile kopo e mo tshekong e a sekisediwang go fitlhelwa ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane. Mosekisiwa o ne a gakgamatsa lekgotla fa a ne a kopa ka tlhoafalo gore motokwane o a tshwerweng ka o ne o kalwe gape, go lebega fa a ne a sa dumalane le bokete jwa one, jo bo kwadilweng mo mokwalong ya tlhagiso molato.
Moleele, yo a seng nosi mo tshekong e, o sekisiwa le Batshegi Goganang wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe (29) wa kgotla ya Sekeletu kwa Mopipi. Borre bao botlhe ba lebisitswe molato wa go fitlhelwa ka motokwane wa bokete jwa dikereme di le 6.3 (6.3g) kwa Mopipi. Gatwe ba fitlhetswe ka setlhatshana se go belaesegang fa e le motokwane ka kgwedi ya Morule e robabobedi ka 2013.
Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...