A HeForShe enamisiwe le Botswana

HeForShe ke thulaganyo e e siameng fela thata, ka e rotloetsa mowa wa neelano le tirisanyo mmogo mo go lwantsheng kgokgontsho ya bomme le ngwana wa mosetsana. E tla ka nako e e maleba ka e rotloetsa borre le ngwana wa mosimane go tsibogela seemo se se golelangpele sa kgokgontsho mo malapeng.

Ntswa moono wa thulaganyo e ole montle, go na le dingwe tse re akanyang fa di tshwanetse go tsibogelwa ke barulaganyi ba lenaneo le. Kgakololo ya ntlha ke gore, a morotloetsi mogolo wa lenaneo le, e fa eleng rre Reikeletseng, a rotloetse bobegadikgang go anamisa melaetsa e e maleba ka lenaneo le.

Gone re tlhaloganya gore, e rile ko tshimologong, bobegadikgang bo ne jwa lalediwa go begelwa ka thulganyo e, mme rona re bona go sa lekana, ntle fela le go nne teng ga jone kwa modirong o oneng o tshwaretswe kwa lebaleng legolo ka mafelo a beke.

Editor's Comment
Gov’t must rectify recognition of Khama as Kgosi

While it is widely acknowledged that Khama holds the title of Kgosi, the government’s failure to properly gazette his recognition has raised serious concerns about adherence to legal procedures and the credibility of traditional leadership. (See a story elsewhere in this newspaper.) Recent court documents by the Minister for Local Government and Rural Development, Kgotla Autlwetse, shed light on the intricacies of Khama’s recognition process....

Have a Story? Send Us a tip
arrow up