Ga re tshwantshwanye

E tlaa re le gompieno re ikgate motlhala, re bowe re bue ka polelo ele ya go thusiwa ga bana ba sekole sa Makaba kwa Kanye. Re ikgata motlhala jaana ka gore re sa ntse re na le la mmotlana le re batlang go le latlhela ka yone polelo ele.

Ke gore, go sa ntse go na le sengwe se re batlang go se bua, bangwe ba re, go se tshwaela.

E ne ya re go alela kgang ya rona ya maloba ra re, mono  Botswana, re na le dipaka tsa ngwaga tse di farologanyeng thata ka go nna selemo go tloge go nne mariga. Mme pharologanyo e nne eng? Pharologanyo e nne gore, fa go le selemo, letsatsi le nne bogale thata. E re le le bogale jaana, motho mongwe ke yoo a re, bangwe ba re, ‘Letsatsi le bogale; the sun is angry.’ Go nne jalo, le nne bogale, go nne mogote o montsi. E re mogote o le montsi jalo, bangwe ba itumele, mogote oo o ba natefelele, mme ba bangwe bone ba se ke ba o rate, ba re o a ba lwatsa. Morago ga selemo, go tle mariga mme kgang e fetoge, ditlhabi di huduse marobalo. E re bale ba itumetse, ba itumelela gore mmele jaanong o iketlile ga o na ditlhabi dipe tse di kalo, ba bangwe ba lele, ba re serame seo, se huduseditse ditlhabi tsele kwa go bone. Kgang ya rona ya tswelela ya re, e re go ntse jaana, e ne e kete dilo di ka bo di itirelwa, ya re bale ba itlhophela mariga, ka ga a ba tsosetse makoa ape, ba bangwe ba itlhophele selemo ka le bone se ba tsaya sentle.  Ra re, mme go bo go ka fetolwa jang? Go nne thata ka ke tlholego.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up