A re re sebaka

E rile maloba ra etela Dikgang/Daily News (Dikgang Labobedi Phalane 8 2013) mme ra kopana le polelo nngwe e e neng e bua ka moletlo o o kileng wa tshwarwa kwa motseng wa Pole mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.

Re ne ra utlwa fa moletlo o o ne o rulagantswe ke ba bogosi jwa motse oo ba tshwaraganye le morafe.

Go utlwetse fa moono wa tiro e, e ne e le gore batho ba ikitsisanye ba bo ba bue ka ditso tsa motse wa bone. E rile go buiwa ka ditso, ga bolelwa fa batho ba Pole e le Badheti, ba tlholega kwa Boteti. Ga bolelwa fa bangwe ba batho ba e le ba ba mo metseng ya  Xhumo, Matopi, Rakops, Mopipi le e mengwe metse ya Boteti. Ba Pole bone ba bolelwa ba ne ba hudusiwa kwa Boteti ke dintwa le botshelo jo bo thata jwa go tlhoka ditiro. Ga twe e rile go tswa Boteti, ba tla ba tshabile, ba lelekilwe ke Matebele, ba thibelela ka nakwana kwa Mapoka.  Morago ba ne ba huduga mme ba ya go wela kwa Pole.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up