A re nne re ele tlhaka eo tlhoko
Friday, December 21, 2018
Go bonala tiro e, e ne e le ya malatsi a mararo.. Go bolelwa fa e, e ne e tshwaretswe baithuti ba kgaolo ya Kgalagadi mme e diretswe kwa Tsabong. Godimo ga baithuti, ga twe, e ne ya tsenwa gape ke magolegwa a kgolegelo ya Tsabong. Mme maikaelelo a tiro ya bo e le eng?
Go bonala fa maikaelelo a tiro e, e ne e le go ya go bona gore baithuti ba tsweletse jang le gore ba abelane se ba se ithutileng mo Gaegolelwe. Ga go re e re fa o bapetse sengwe, mme o ka thusa ba bangwe ka sone, o se ipeele fela o le nosi koo. Gakologelwa gore, matlo go sha mabapi, re sa reye o etsa Mokotedi. Nnyaa, re raya gore, nathela ba bangwe e tle e re gongwe le bone ba totobele pele. Polelo e re e bonyeng e supa gore Gaegolelwe ga e rute go bala le go kwala fela mme e ruta dilo tse dintsi.
“Justice should not only be done, but should manifestly and undoubtedly be seen to be done.”-Lord HewartHis decision was the correct one.The move neither proves guilt nor settles the serious allegations that have brought him to the doorstep of the Regional Magistrate’s Court.It does, however, recognise a basic principle of accountable government, that a minister facing criminal charges should not remain in a position that could create even...