Jalo, a dirisitswe jaaka lediri

Kgang nngwe e tona ya malatsi ano ke gore batho ba tlhokomele botsogo jwa bone ka go itshidila mmele le go nna ba itlhatlhobela malwetse mangwe. Fa ba bua, ba re malwetse ao ke a a sa tshelanweng.

Go buiwe gape ka HIV/AIDS gore le yone e itlhatlhobelwe. Ba tswelele ba re, go thibela malwetse a a sa tshelanweng a, batho ba je dijo ka go di tlhaola, ba ele tlhoko gore ba ja eng. Go twe, a ba se je sengwe le sengwe fela, e se re gongwe, dijo dingwe tsa tloga tsa ba tsosetsa malwetse ao.

Mme kana go bua ga se go dira. O ka bua le batho, ka tsebe ba tsaya, mme ba felele ba sa dire sepe. Fa go nna jaana, gore o eme ka dinao, ka tsela nngwe o kgothatse batho go dira. Jalo he, re a tle re bone nako nngwe, ka yone kgang e ya go tlhokomela botsogo, batho ba phuthelwa golo gongwe. E re ba le koo, ba tlhalosediwe gore go tlhokomela botsogo tota go raya eng, le gore, go tshwanetse ga dirwa jang. Ba tlhatlhobelwe malwetse ale, ba bo ba kaelwe gore go itshidila go tshwanetse go dirwa jang.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up