Re ntse re bua ka 'go jela..'

E rile maloba ra bua ka lefoko 'go jela..' Re ne ra re, lefoko le, ke lengwe la mafoko a Motswana a a dirisang go natetsha/natefisa puo. Re ne ra fetela pele, ra bua ka manatetshapuo a a farologanyeng a lefoko 'go jela.' Lengwe la manatetshapuo ao, e ne ya nna go jela ganong.

E rile re tlhalosa lenatetshapuo le, ra tsaya sekai ra re, Kgabutlwe o dikile a lemile mme fa a tla go roba, a se ka a bona thobo epe e e kalo. A bona fela mo go lekanyeng gore, ene le bana, ba bone go tlhola ba jele, mme le maitseboa, ba se lale fela, ba bone go lalela. Re ne ra re, fa seemo se ntse jaana, e tlaa re Kgabutlwe a bua a re, o dikile a lemile mme fa go rojwa, a bona fela ga go jela mo ganong. Jaaka re buile, Kgabutlwe o tlaa bo a raya gore, o robile fela mo go lekanyeng gore bana ba je, ba se tloge ba ya le naga ba re ba tshabile tlala.

Gompieno re tlaa nne re tswelele re bue ka ’go jela…..’ mme re tlhalosa gore, go jela ganong, ga se fela ga motho a gannwe ke temo, a sa roba mo gontsi, kana a ganwa ke loruo, lo sa ate, kgotsa lwa ntsifala, jaaka a eletsa. Re itse gore, temo thuo, ke tiro e e bokete, e e batlang gore fa motho a e dira a tlhoafetse, a bo a na le diatla tse dintsi; ke gore,  batho ba ba ka mo thusang. A Motswana ga a rile moatlapedi ga a she, a raya gore fa motho a na le ba ba mo thusang, ga a imelwe ke tiro. Fa o le molemi, o le morui, mme o se na ba ba ka go thusang, o tshwanetse wa itekanya morwalo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up