Ke go nna ka diatla

Re le Batswana, re merafe e mentsi ya ngwao tse di farologanyeng. Gare ga merafe e, go morafe wa Bazezuru. Fa merafe e mengwe ya Batswana e itsiwe thata ka go lema, go rua, le go dira ditiro tse dingwe fela go leka botshelo, Bazezuru bone ba itsiwe ka go betla le go thula ditshipi. Re bona tiro e gantsi ba e direla mo gae, mo dipatlelong tsa malwapa a bone, le fa thoko ga tsela.

Ga re ise re dire dipe ditlhotlhomiso, mme fela, go bolelwa fa Bazezuru ba rata tiro e thata mo e leng gore, le bana ba rutwa go e dira ba sale bannye. Boemong jwa go isiwa sekoleng, bana ba gola ba rutwa go betla le go dira ditshipi.  Mogopolo o, ke mogopolo o montle, ga re o gane. Fela bangwe ba ka o nyatsa ba re, go ruta ngwana mo gae ga go mmule tlhaloganyo go feta jaaka fa a ne a ka  rutwa  kwa ntle, kwa sekoleng.

Ba ka re, go na le go rutwa mo gae, a bana ba isiwe sekoleng. Kgotsa ba re, ee, a ba rutwe mo gae, se, e le go ba feelela tsela fela mme morago ba isiwe sekoleng go ya go ithuta mo gontsi.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up