Tshire o a lala

Mopalamente wa Kgaolo ya Mahalapye Botlhaba yo gape eleng Mothusatona kwa Lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo matshelo, Botlhogile Tshireletso o boletse fa a tla seke a emele ditlhopho tsa sechaba tsa bopalamente tsa ngwaga wa 2019.

Tshireletso yo gape a tlwaelesegile ka leina la “Tshire” o boleletse Naledi ka Mosupologo gore o tsere tshwetso ya go tlogela sepolotiki gore a tle a itebaganye le ditiro tse dingwe tsa selegae jaaka ele mogwebi wa mmê. A re o tsweletse ka go laela batlhophi ba kgaolo ya gagwe a bolela fa go se bonolo go rola mafoko a.

Tshireletso o simolotse go nna mopalamente morago ga ditlhopho tsa 2009, a fenya kgaolo gape ka 2014. A re o tlogela tiro ya boemedi jwa sechaba ale motlotlo ka dikatlego tsa ditlhabololo tsa kgaolo ya gagwe. A re dingwe tsa ditlhabololo tse dineng disa mo robatse ke tsa ditsela mme a itumelela gore jaanong dingwe tsa tsone di akareditswe mo lenaenong la ESP le lenaneo la ditlhabololo la lesome le bongwe (NDP11).

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up