A re nne re leke

Re setse re kile ra bua gore selo sengwe se se senyang Setswana, ke gore, ba le bantsi ga ba se kwale sentle. Motho a kwale fela ka fa a tlaa bong a akantse ka teng mme a tseye gore go siame. Bangwe ba ba balang le bone, ba se ke ba lemoge gore, ga go a kwalwa sentle. Ba tseye fela gore ka ba kgona go bala, se se kwadilweng, se ba se balang, se siame, mme tota go sa nna jalo.

Re ne ra bua gape gore, nngwe ya diphoso tse di diregang fa go kwalwa, ke go tshwaraganya mafoko a a sa tshwanelang go tshwaragana. Gantsi se se diragalang ke gore, fa mafoko a ka bo a kwalwa e le mafoko a mabedi, a kgaoganye, a a tshwaranngwa, a dirwe lefoko le le lengwefela. Modumo wa lefoko le, ke gore ka fa le bidiwang ka ka teng, fa gongwe o se ke o fetoge, o nne o tshwane fela le fa e ne e le mafoko a kgaoganye.

Mme gape, e re gongwe o ne o ka fetoga, rona re bitse ka fa re batlang kgotsa ka fa re akantseng a teng, mme go nne jaaka e kete lefoko leo le kwadilwe sentle. Le fa re setse re kile ra bua ka diphoso tsa go nna jaana, di ntse di tsweletse, di a direga. Mme fela, a re nne re leke, fa re di bonang teng, re nne re di supe, le gore di ka baakangwa jang. 

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up