A re bue gape ka go jela
Wednesday, October 07, 2015
Re ne ra re, fa Motswana a re motho o jela tlase, o raya gore ka mabaka mangwe motho yoo ga a tshele sentle. Gongwe bana ba bantsi mo lwapeng mme ga a kgone go ba jesa le go ba apesa sentle. Gongwe ditiro tsa lwapa la gagwe di dintsi mme ene ga a na dithata dipe tsa go dira ditiro tseo. Botshelo bo nne thata mme go twe motho o jela tlase.
Re ne ra bua gape ka go jela tlhakeng mme ra re, motho yo o jelang tlhakeng, ke motho yo o jang papadi ya gagwe kana pereko ya gagwe, e sa ntse e le koo, ene a ise a e tsenye mo seatleng. Fa e le madi (tuelo) a tiro nngwe e a e dirang, le go amogela madi ao a ise a a amogele. Batho bangwe e a re kgwedi e ise e fele, ba tshwarise madi a bone ka go tsaya dilwana kwa le kwa, le one madi tota ba adime fale le fale, tumalano e le gore dilwana tse, le one madi a, di tlaa duelwa kgwedi e fela. E fele kgwedi mme e re go amogelwa, madi ao a fete fela jaaka phefo motho a duela kwa a neng a adimile teng. Ene a sale ka eng? A se ke a sale ka sepe mme e bo e le gone fa a jetse tlhakeng. Tse ke dingwe tsa dikai tse re neng ra di ntsha maloba go tlhalosa lenatetshapuo le. Jaanong a re fetele pele re bone gore lenatetshapuo le, le ka dirisiwa jang gape.
The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...