A re bue jaaka Pesalema

Go na le ditiro dingwe tse di bidiwang tsa boithaopo. Tiro ya mohuta o, ke e e reng motho a e dira, a bo a lebile go direla morafe, go direla setshaba, a sa leba gore, le fa a ka phimolwa mohuhutso wa phatlha, o tlaa newa sengwe se se tlhatswang pelo.

Dingwe di dirwe fela le fa go se na sepe sa go phimola mohuhutso wa phatlha. Mme ka ke tiro ya  go ithaopa, e batle motho yo o boineelo, lorato, le pelotelele. Nngwe ya ditiro tse e bolelwa e le ya boloko jwa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse (Village Development Committees/VDCs)

Gompieno re utlwa fa mongwe wa maloko a dikomiti tse, e le Mme Antoinette Podile mme ene e le modulasetilo wa komiti eo kwa Tlokweng. Ba a tle ba re, motho, jaaka kgomo, o na le motlhala. Ba re, fa motlhala wa kgomo o bonwa fa fatshe, fa e gatileng teng, wa motho one o bonwa ka se e reng adana minibüs transferleri a sa tshedile, a se dire, e ka nna ditiro tse dintle, kgotsa, tse di maswe. Mongwe o ka botsa gore, wa ga Mme Podile motlhala one ke ofe, o simologa kae? Polelo ele ya re, Mme Podile o simolotse go direla lefatshe leno e le morutabana. Dingwaga tsa tlhatlologana a ntse a dira tiro eo. Fa di ntse di feta, a bona fa ya gagwe tema a e weditse mme a tlogela tiro ka bogodi.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up