A re bue ka go baya....

Motswana o a tle a re puo, jaaka bogobe, e a loisiwa. A re, fa bogobe bo loisiwa, ba bangwe ba re, bo tshwarisiwa, gore bo se nne metsi, kgotsa, motogo, puo yone e loisiwa gore e natefe; ke gore, e nne monate. E re go e natefisa jalo, a dirise diane le manatetshapuo. Jaanong, e tlaa re gompieno re utlwe ka fa Motswana a natefisang Setswana ka teng a dirisa lefoko go baya.

E re a loisa, a natefisa Setswana, Motswana a re go na le go baya tema. A re re, e rile kgwedi ele pula ya na thata mo mmu o neng wa nolofala. Mosong ono, re bona Kgokologo a golegile, a kgokologela kwa masimo. Fa a di tlhaba ka seme, go goroga  Kebeetswe. Kebeetswe o botsa Kgokologo gore, a rwele thotho e le ntsi jaana, o ya kae. Kgokologo o araba ka gore o kgokologela kwa masimo, o batla go ya go baya tema mmu o sa ntse o tshwere bokgola. bongola, go ise o omelele. Ka go baya tema, Kgokologo o raya gore o batla go ya go lema. A re ele tlhoko gore, lenatetshapuo le, la re go baya tema, e seng go baya ditema jaaka bangwe ba tle ba bue. Fa Motswana a batla go ya go ema,kgotsa a ipaakanyetsa go ya go lema, o bua jalo a re, o batla go ya go baya tema. Fa a setse a lemile ke gone a re o beile ditema. E re fa a ka bodiwa palo ya tsone, foo a bolele gore ke ditema di le kae.  Go sale foo, e ka re fa molemi a lemile mme ka mabaka mangwe a ne a sa solofela gore o tlaa kgona, a itumele a re, le fa ke ne ke se na peo, kana, le fa pula e ne ya diega, gone mme ke ne ka kgona go baya tema; ke beile tema.

A fetele pele Motswana a re, go na le go baya lonao. A re boele fa morago fale re re, nako ele, re ne ra bona Tshetsana a adima madi mo go Nthepha  go ya go aga. Re bonye kwa morago Tshetsana a palelwa ke go duela madi ao, mme gape a se ka a itela mo go Nthepha gore ke eng a sa kgone go duela. Nthepha ke yoo, a felela a  latela Tshetsana kwa ga gagwe a batla gore Tshetsana a mo duele. Ga nna jang? Boemong jwa go ikoba le go tlhalosetsa Nthepha gore ke eng a sa kgone go duela, Tshetsana a raya Nthepha a re, a mo fologe, a se mo eme godimo jaaka loso. A, e ne e se mafoko a a monate, e se mafoko a batho e le ditsala. Ka go utlwisiwa botlhoko ke mafoko a, Nthepha o ne a ka nna a tlhoboga Tshetsana, a mmona e le motho a se na botho, a se na boammaaruri, mme a mo tlhoboga, botsala jwa fela. Go ntse jalo, Nthepha a bo a ka nna a ikana gore, lwa gagwe lonao, o lo odile, ga a na go tlhola a lo baya kwa ga Tshetsana. Go bua jaana, o ne a tlaa bo a raya gore ga a na go tlhola a ya ga Tshetsana, ga a na go tlhola a mo etela. Go tshwanele ka Tshetsana o ne a sa mo tsaya sentle. E re go nna jaana, Motswana a re, ‘Matlhape a baratani a tlhanogetse nageng.’ O a bo a raya gore, ditsala di tlhoboganye.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up