A re nne re ele tlhaka eo tlhoko

Setswana sa re, ‘Mosarwa o bonwa thoteng e diselo.’ Jalo he, e rile re ntse re ya le dithota ra sela polelo nngwe e e reng e ne ya re ka kgwedi ya Phukwi, monongwaga, ga tshwarwa tiro ya go ipelela malatsi a thuto ga e golelwe.

Go bonala tiro e, e ne e le ya malatsi a mararo..  Go bolelwa fa e, e ne e tshwaretswe baithuti ba kgaolo ya Kgalagadi mme e diretswe kwa Tsabong. Godimo ga baithuti, ga twe, e ne ya tsenwa gape ke magolegwa a kgolegelo ya Tsabong. Mme maikaelelo a tiro ya bo e le eng?

Go bonala fa maikaelelo a tiro e, e ne e le go ya go bona gore baithuti ba tsweletse jang le gore ba abelane se ba se ithutileng mo Gaegolelwe. Ga go re e re fa o bapetse sengwe, mme o ka thusa ba bangwe ka sone, o se  ipeele fela o le nosi koo. Gakologelwa gore, matlo go sha mabapi, re sa reye o etsa Mokotedi. Nnyaa, re raya gore, nathela ba bangwe e tle e re gongwe le bone ba totobele pele.  Polelo e re e bonyeng e supa gore Gaegolelwe ga e rute go bala le go kwala fela mme e ruta dilo tse dintsi.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up