Ba a a ja jang?

Letsatsi lele re ne ra bona basimane ba tlhotse kwa ga Segaolane ka fa tlase ga setlhare sa mokgalo. Fa se ntse se tla ka molomo, ke Slee ene a tlabatlaba kwa isong a apeile. E ne e rile fa Sega a rafa dijo, a tiisa lebogo ka a ne a batla go ja le botlhe ba ba neng ba le mo ga gagwe ka nako eo.

A di tlhoafalela a apaya Slee. Go ise go ye kae, ke e bile di budule. Ga tsholwa, megopo ya tla, ga fiwa batho mme ra bona banna bangwe ke bao e re ba neelwa dijo, ba bo ba di gana, ba re bone ba ja mabele le kgomo. Mafoko a, a hakgamatsa Monwedi. Ra bona e re banna bale ba se na go tsamaya, a botsa gore a batho bale ke dikgomo le ditau.

Potso ya gagwe tota e ne e le gore, ke batho ba mohuta mang, ba e tla reng go jewa dijo, bone ba je mabele le dikgomo. Re ne ra kgaogana le kgang ya rona ya maloba fa, Monwedi a sa ntse a hakgamaletse batho bale go ja mabele le kgomo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up