A re tswelele ka one

E rile maloba ra bua ka manatetshapuo a lefoko ‘pelo.’ Re ne ra re, ka seroto se tletse, ga re ke re tseye gotlhe, re tlaa tlopola fela. Ga nna jalo ra tlopola, mme jaaka re ne re buile, ga nna ga sala. Ka ke moo go ntse go setse, a e re gompieno re tswelele. Fela jaaka maloba, ga re ke re tseye gotlhe, re tlaa nne re okole fela.

Fa kgang ya rona e tsweletse, re ne ra utlwa fa e ne ya re nako nngwe, Tshetsana a se ka a buisa Nthepha sentle. Nthepha o ne a batla madi a Tshetsana a neng a kile a a adima.

Boemong jwa go duela madi ao, kgotsa gore ka botho fela a bolele gore ga a kgone go duela, Tshetsana a raya Nthepha a re a mo fologe, a se mo eme godimo jaaka loso. Re ne ra re, e ne e ka re go utlwa mafoko a, Nthepha a betwa ke pelo; ke gore a tenega thata a bo a ikana gore ga a kitla a thusa Tshetsana ka sepe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up