P30 o batlile a tsenya monna ka lebitla

No Image

METSIAAELA: Knowledge Shanganani wa dingwaga tse masome a mararo le boraro(33), yo o tlholegang kwa Zimbabwe, o sekela molato wa go tlhaba Elliot Lefatshe ka sengwe se go belaesegang e le thipa.

Go ya ka mabaka a Tsheko a a rotsweng ke mosekisi Sergeant Ogone Motsholathebe, Shanganani o ne a tlhoka kutlwisano le moswi ka sekoloto sa masome a mararo a dipula (P30) ka kgwedi ya Hirikgong ele masome a mararo le bongwe monongwaga. Motsholathebe a re Shanganani, o dirile molato gape a sena dipampiri tsa ka fa molaong tsa boagedi jwa Botswana.

Bosekisi botla bitsa basupi bale supa go akarediwa le mongongoregi fa mosekisiwa ene a sena mmueledi. Ya re afa bosupa jwa gagwe, Mongongoregi Elliot Lefatshe, a re mo bosigong jwa tiragalo eo, o ne a ile maitisong kwa bareng ya Bure mo motsaneng wa Metsiaaela mme ya re a ntse a akola maitiso a na le tsala ya nngwe ya gagwe mme Shanganani a mo garumela ka go mmotse ka sekoloto sa gagwe. Lefathse a re o ne mo fetola ka go mo solofetsa fa a tla duela ka ebile madi a le kwa lapeng.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up