Lore lo ojwa lo sale metsi

Motswana o a tle a re, ngwana kokwana o a fatafata, a raya gore, ngwana ga a ke a tlhoka gore e re ka tsela nngwe a senye kgotsa a tlhoke go utlwa. E a re fa ba ntse ba gola, bana ba dire dilo dingwe tse di ka fatlhang kgotsa tsa tlhobaetsa batsadi.

Ngwana o ka nna tlhogo e thata, a gana go rongwa. Gongwe a di tlatsa ka legano, ya re a bua le bagolo, a se ka a ba tlhophela mafoko, a bue fela jaaka a rata.

E re dilo di direga jaana, motsadi a tlhobaele, a ipotse gore a ngwana yo o tlaa gola e le motho sentle, kgotsa e tlaa nna motho wa mekgwa le ditsela tsa gagwe fela koo. Ka gone go tlhobaela, batsadi ba leke go kgalema. E a re go kgalemelwa, bana bangwe ba utlwe, ba boele mo tseleng. Yo mongwe a ganane, go tsene ka fa, go tswe ka kwa, a felele e le selo se sele fela. Go tlhoka go utlwa ga bana ga go direge fela kwa gae, kwa malwapeng a batsadi ba bone, mme le kwa dikoleng go a direga.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up