Manong a kobakoba Venson-Moitoi

Venson-Moitoi
Venson-Moitoi

PALAPYE: Go goga letlhaku ga ga Dr. Pelonomi Venson-Moitoi go ralala kgaolo ya gagwe ya botlhophi ya Serowe Borwa go rerisana le banni ba kgaolo e, ka maikaelelo a gagwe a go emela maemo a monnasetilo wa mafatshe a Aferika (AU), go lebega go kgothaditse bo setlabosheng le manong a sepolotiki go ipapaletsa setilo sa bopapalemente sa kgaolo e.

Mo potsolotsong le Naledi, monnasetiolo wa phathi ya Domkraga kwa kgaolong ya Serowe South, mme Tebelelo Seretse o tlhalositse fa Venson-Moitoi a ise a supe faa beile ope leitlho go ka mo tlhatlhama. A re kgaolo ga e ise e dire bokopano bope mabapi le kgang ya teng, mme a supa jalo gore go setse gona le batho ba le mmalwa ba ba supileng kgatlhego.

Le fa go ntse jalo, Seretse a re otswa kgakala a leka ka tsotlhe go kgaphisana sethitho le bakaulengwe ba phathi ya gagwe go emela kgaolo kwa palameteng mme a re le gompieno, fa phatlha e ka bulega, o tlaa tsenelela lobelo lwa bontlhopheng ba BDP la go tlhatlhama Venson-Moitoi.

Editor's Comment
Stakeholders must step up veggie supply

The Ministry of Agriculture, local producers, retailers, and industry associations must work together to overcome the obstacles hindering vegetable production and distribution.This collaborative approach is essential to improve the availability, quality, and affordability of vegetables in the market.Firstly, the Ministry of Agriculture should provide support and guidance to local farmers to enhance their productivity and efficiency. This could...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up