UDC e kgaba ka botala

Fa go buiwa ka mebala, batho ba ntlha go itse mmala o go buiwang ka one ka nako eo, ke basadi ka e a re banna ba santse ba botsana gore go tewa ofe, bone ba bo ba setse ba bolela ka fa o leng montle kgotsa o leng maswe ka teng.

Se ke sone se se dirgalang mo lefatsheng la Botswana gompieno jaaka go amogelwa bokopano jwa diphathi tsa kganetso tsa BNF, BCP, BMD le BPP. Bokopano jo bo goroga ka mmala o botala o balela tlhoko bareng bo kgatlha basadi thata. Lefelo la ditirafalo e ne e le Tlokweng ka Labotlhano kwa baeteledipele ba diphathi tse ba neng ba itsese babegadikgang ka tse di dumalanweng.  Maikaelelo magolo a diphathi tse tsa sekhukhu ke go tlhomamisa fa phathi e e busang ya Domkraga (BDP)  e latlhegelwa ke ditlhopho tsa 2019 morago ga dingwaga di feta masome matlhano le bobedi e ntse e busa.

Diphathi tse BNF, BMD le BPP  di ntse di bereka mmogo mo go tshwaraganeleng ntwa kgatlhanong le Domi, mme di ntse di buisana le BCP e le yone e ntseng e ikemetse ka nosi go lwantsha Domi.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up