Moshe �Mos Mos� Lekaukau o bolokilwe
Wednesday, December 09, 2015
Borre ba losika le ditsala ba gorosa moswi kwa mabitleng PICS. ZOLANI KRAAI
Moshe Lekaukau, kana “Mos Mos” jaaka bangwe ba ne ba mmitsa, o tsholetswe kwa motseng wa Hukuntsi ka ngwaga wa 1944, kgwedi ele ya Moranang a le bone. Moshe e ne e le ngwana wa ga Mme Kennetseng Rebecca Lekaukau, yo erileng pele ga a nyalwa ke George Lekaukau ka 1948 a bo e le morwadia Radira-a- Baumake-a-Mabote-a-Matsipe-a-Mogolane-a-Sekokwane-a-Tausele-a-Phadu-a-Mongologa. Le fa go ntse jalo, Moshe ene rraagwe o ne a bidiwa Leonard Ramosidi-a-Phanchwe-a-Ramosidi-a-Botlape-a-Khibe-a-Keakopa-a-Motlhwareemang-a-Maele-a-Motlhware.
Ka 1970, Moshe o ne a kopana le Tshisimogo Masisi yoo feletseng e le mosadi wa gagwe ka 1974, ba kopanngwa ke tsala ya gagwe moswi Peter Mmusi. Lekaukau o tsene sekolo se se botlana kwa metseng ya Tshane, Tsabong, Hukuntsi, Moshupa le Kanye ka dingwaga tsa 1950 go fitlha 1957. Mme ya re morago a ya go dira dithuto tse dikgolwane kwa St Joseph’s ele gore botlhale jwa gagwe mo dithutong bone jwa ngoka leitlho la boeteledipele jwa sekolo sa St Joseph’s kwa Kgale, kwa a fetileng a nna le kgolagano e e tseneletseng le tumelo ya sekeresete ka fa tlase ga kereke ya Roma. Ka dingwaga tsa bo 1961-62, ka mabaka a go sa tsoga sentle, Moshe o ne a robatswa dikgwedi dile thataro kwa sepateleng sa Athlone kwa Lobatse. Mme se sa kgaupetsa dithuto tsa gagwe. Ya re a sena go tokafala, a simolola go bereka ele modirelapuso kwa lephateng la diposo le ditlhaeletsanyo mme a ya go berekela kwa Mochudi le Lobatse. Ya re a le kwa Lobatse a tsalana le Maitshwarelo Dabutha, yo morago a neng a nna lepolotiki le mopalamente wa lekgotla la kganetso la Puophaa kana BNF. Botsala jwa bone bo ne jwa gwetlhega mme ba nna maloko a phathi ya Botswana Peoples Party (BPP), morago Mos Mos a nna leloko la BDP. Le fa go ntse jalo, Lekaukau o ne a dira kwa maphateng a a farologaneng a puso jaaka la dipasa le mesepele. Morago o ne a tlogela tiro mme a boela sekolong ka a ne a nyoretswe thuto. Yare ka 1967 a fetsa dithuto tse dikgolwane tsa sekondari mme a falola lokwalo lwa botlhano ka dinaledi.
Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...