Matshidiso Osi e ne e le naledi tota

Matshidiso Osi
Matshidiso Osi

Motshameko wa thenese ya tafole(Ping Pong) o setse o na le dingwaga di le mmalwa o ntse o le teng mo lefatsheng la Botswana, mo o setseng o ntshitse dinaledi di le dintsi thata tse go buiwang ka tsone.

Dingwe tsa dinaledi tse,  tse go itsiweng gore fa go buiwa ka motshameko o, ga gona jaaka maina a tsone  a ka tlhoka go amiwa, Nngwe ya dinaledi tse ke Matshidiso Osi-Moses o lefatshe leno le hutsafetseng thata go tlhokafala ga gagwe ka  Matlhatso.

Naledi e ne ya re ngwaga ya 2015 ya nna le lesego la go bua le ene mo potsolotsong mabapi le motshameko o wa thenese ya tafole, tota mabaka e le go tlhotlhelediwa ke go bona ka fa a tlhorontshang ba bangwe ka teng mo dikgaisanong ka go farologana ga tsone, bogolo jang mo gae mo a neng a nna fela a itlhomile kwa setlhoeng.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up