Mafatshe a Selekane a tlhoka go itshekatsheka � Lelatisitswe

Modulasetilo wa lekalana la mafatshe a selekane la palamente ya Botswana, Setlhomo Lelatisitswe, a re letsatsi la segopotso sa mafatshe a selekane ke sebaka sa gore maloko a itshekatsheke go bona gore a ba ntse ba tsweletse sentle ka maitlamo a lekgotla le.

Lelatisitswe yo gape eleng mopalamente wa Boteti Botlhaba, o ne a fa mafoko a kamogelo mo boemong jwa palamente ya lefatshe leno kwa moletlong wa segopotso sa mafatshe a selekane oo neng o tshwaretswe fa pele ga dikago tsa palamente bosheng.

O simolotse ka gore jaaka molaetsa wa ngwaga ono wa segopotso sa mafatshe a selekane o supa, re tshwanetse ra tlhodumela ditshetlana tsa botlhokwa re le maloko. Lelatisitswe a re ditshetlana tse di akaretsa mekwatla ya sepolotiki, go bopa puso ya batho ka batho, boleng ja lekgotla la mafatshe a selekane ja palamente ya lefatshe leno; dikgwetlho le ditshono tse di lebaganeng batho ba lefatshe leno.

Editor's Comment
Time to end informal sector fronting

The Francistown Umbrella Informal Sector chairperson, David Mbulawa, has highlighted this growing concern, revealing that many local traders are using their licences to facilitate the entry of foreign goods into the market at a fee.Fronting undermines the very fabric of our local economy. It allows foreign traders to exploit the system designed to benefit Batswana, using local licences to cross borders and sell goods at prices intended for local...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up