Maburu a kile a tlhasela

PIC: ZOLANI KRAAI
PIC: ZOLANI KRAAI

Ngwaga e ne e le wa 1985, kgwedi ya Seetebosigo ele lesome le bone, dinako ele tsa makuku, fa bagolo le bana ba ipaakanyetsa go tsoga, bangwe ba ya ditirong le dikole. Ga re thuu!! Gangwe, gabedi, modumo wa ditlhobolo ka mefuta wa tlalatlala gongwe le gongwe.

Se ya bo e le ditiragalo tsa nako e masole a Aferika Borwa a mmuso wa maloba wa tlhaolele, a neng a tlhasela mebila le matlo mangwe mo toropong kgolo ya Gaborone. Kgaolwana ya Mogoditshane le kwa Ext 10, Bontleng, le Ginger, tsa nna dingwe tsa tse di neng tsa amiwa ke ditlhaselo tseo.

Ya re moso wa letsatsi leo, ga utlwala digoagoe tsa dikoloi tsa mapodisi le tsa thuso ya potlako, ntlheng ya mafelo ao. Seromamowa sa Botswana sa ntsha dipego ka se. Ga nna le thitibalo e kgolo fa go utlwala fa bangwe ba ne ba tlhokafala mo ditlhaselong tseo. Bangwe e le Batswana fa bangwe e ne ele batswakwa go tswa Aferika Borwa. Go ne ga tlhomamisiwa fa bontsi jwa batswakwa, e ne e le batshabi ba lekgotla le le neng le lwela kgololesego mo tlhaoleleng la African national congress (ANC).

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up