Lister o tlhosetsa Maitisong

Lister Boloseng
Lister Boloseng

Labotlano yo o fetileng, Lister Boloseng, o ne a bolotsa ntwa ya diragadibone, fa a tuka malakabe, a simolodisa Alebamo ya gagwe e ntsha, Moratiso kwa ntlolehalahaleng ya Maitisong.

Morago ga dingwaga di le lesome a santshe pina epe, Lister, yo o tlwaelesegileng ka seletso sa Saxophone, o ne a itshupa fa e le modiragatsi wa motia le motlhami wa tlhotlhwa.

Go tsaya serala ga gagwe, o ne a go thuthafatsa ka go tlhomaganya dipina di le pedi, a budula lenaka la gagwe a na le tsala ya gagwe Andrew Kinganga, ba ba tlwaelesegileng ka go letsa diphala ka botswapelo. Go letsa ga bone go ne go supa fa ba go tsaya katlhwaafalo e bile bana le tomagano e ntle thata.

Editor's Comment
Time to end informal sector fronting

The Francistown Umbrella Informal Sector chairperson, David Mbulawa, has highlighted this growing concern, revealing that many local traders are using their licences to facilitate the entry of foreign goods into the market at a fee.Fronting undermines the very fabric of our local economy. It allows foreign traders to exploit the system designed to benefit Batswana, using local licences to cross borders and sell goods at prices intended for local...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up