HINO e tla agiwa kwa Maun

No Image

MAUN: E ne e re bogologolo fa basimane ba tshameka ka dikolotsana tsa diwaere le maotwana a dikoloi, ba bale mefuta ya tsone le go di boka bare bo J5, Land Cruiser, Chevrolet, Ford moikar le bo HINO magareng ga tse dingwe.

Jaanong ditso di diragetse mo Botswana kwa Maun jaaka bagwebi ba Aferika Borwa ba modiro wa koloi ya teraka ya HINO ba thibeletse kwa motseng oo wa bojanala, go simolodisa madirelo a go aga koloi ya HINO.

Go simololwa ga madirelo a HINO jaanong go segetse goromente wa Botswana le Batswana ka kakaretso ka fa lefureng, ka dikeletso tsa bone tsa go nna le diteraka tsa HINO, go tlaa  atlega ka ba tlaabo ba di reke ka madi a a botoka. Se gape se tlaa tlhofofatsa theko ya didirisiwa tsa koloi e, gore gongwe le fa senyega di kgone go bonwa kwa marekisetsong a Ngami Toyota gone mo Maun.  Fa a bua kwa tshimolodisong semolao ya madirelo a kwa Maun beke ee fetileng, motshwarateu wa kompone ya HINO go tswa Aferika Borwa, Pieter Klerck, o boletse fa a lebogetse go tla go rurifatsa tshimolodiso ya koloi eo. A re go dira jalo go tlaa tiisa botsalano jwa bone ele bogogi jwa kompone le Batswana, le babereki, ba a rileng bangwe ba bone ba tlaa thapiwa mo kgaolong ya Nhabe.

Editor's Comment
Prosecutors deserve better

These legal professionals, who are entrusted with upholding the rule of law, face numerous challenges that compromise their ability to effectively carry out their duties.Elsewhere in this edition, we carry a story on the lamentations of the officers of court.The prosecutors have raised a number of concerns, calling for urgent attention from all relevant stakeholders, including the President, Minister of Justice and the Attorney General. Their...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up