Batsadi ba ema kirikete nokeng � Ramakrishna

No Image

Batsadi ba tsweletse ka go naya bana ba bone ba motshameko wa kirikete kemonokeng e e tlhokafalang ka dinako tsotlhe, se jaanong se itumedisang ba lekgotla la kirikete la Botswana(BCA) ka se e le go supa fa motshameko o o setse o gorogile mo malwapeng ka bontsi.

Mogolwane wa BCA,Girish Ramakrishna erile ka Matlhatso kwa mabaleng a kirikete a bolelela Naledi fa a itumela thata go bona ka fa batsadi ba bana ba lekang ka kemonokeng ka teng, a re ngwana fa a dira selo, e ka nna kwa sekoleng mo dithutong, o tlhoka motsadi go mo kgothatsa. A re o bua jaana ka a bona ka fa batsadi ba thusang bana ba bone mo motshamekong o wa kirikete ka teng, se a reng ke sesupo sa gore batsadi le bone ba setse ba o tlhaloganya.

O ne a ntsha boitumelo jwa gagwe a re bontsi jwa bana ba kgona go tla ikatisong ka mafelo a beke ka batsadi ba bone ba ba golola kwa malwapeng, mme ebile mo godimo ga mo, ba ba neela madi a go palama ntle le bothata bope. A re se ke kemonokeng fela a mongwe le mongwe a ka e itumelelang go tswa mo batsading ba ba supang maikarabelo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up