Bone ba tshwere ka natla jang?

E tlaa re gompieno re digele kgang ya maloba e e neng e bua ka lenatetshapuo le le reng go tshwara ka natla. Lefoko le le ne le dirisitswe fa go buiwa ka mophato mongwe o o bolelwang o le kwa Serowe, o bidiwa Mafetsakgang. Re utlwile fa mophato o e le wa basadi ba e rileng nako nngwe go bolodiwa mephato bone ba tlogelwa.


Go a bonala basadi ba ba ne ba se ka ba itumelela selo se mme ba bona mongwe ba lelela mo go ene. Ga twe motho yoo o ne a reetsa selelo sa bone mme a se tsaya a se isa kgosing. Koo kgosi a se amogela, a dumela gore basadi bao le bone ba alosiwe. Ba aloga mme ba fiwa leina la Mafetsakgang.

Editor's Comment
Prosecutors deserve better

These legal professionals, who are entrusted with upholding the rule of law, face numerous challenges that compromise their ability to effectively carry out their duties.Elsewhere in this edition, we carry a story on the lamentations of the officers of court.The prosecutors have raised a number of concerns, calling for urgent attention from all relevant stakeholders, including the President, Minister of Justice and the Attorney General. Their...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up