A re o sekegele tsebe

Re tle re utlwe go buiwa gore, bogodu jwa loruo bo aname thata le lefatshe leno, e bile bo dirwa ka ditsela tse dintsi. Ga twe dikgomo di a utswiwa mme di agelwe masaka mo nageng, di tlhatlhelwe moo.

E re o feta, o bona lesaka leo, o tseye gore ke la nnete, mongwe o thibelela foo. Go ye kae? Morago ga malatsi o utlwe go twe,  leo lesaka, e ne e se la nnete, e ne e le la bogodu.

Dingwe go twe, di tlhabiwa bosigo, di rwalwe ka dikoloi, di isediwe batho bangwe, se e le thulaganyo ya batho bao, le one magodu ao. Tse dingwe gape, di tsewe e sa ntse e le marole/morole, di sa tshwaiwa. E re ka ga di a tshwaiwa, legodu le fete le di tshwaye letshwao la lone. Fa le dirile jaana legodu leo, le bo le ka ganediwa ke mang gore dikgomo tseo ke tsa lone? Kgang e nne thata. Yo e leng mong wa tsone tota, ene a bo a ka di supa fela ka mmala gore ke tsa gagwe, ka letshwao gone a se gope. Bangwe gape ba bolelwa ba di tsaya e le matimela. E re kgomo e timeletse kwa ga Bodikelo, a se ke a e begele molao, a e tlhatlhele mo sakeng la gagwe. Mme fa go se na ope yo o ka lemogang gore kgomo eo, ga se ya lesaka leo, e bo e ile, a bapetse Bodikelo.

Editor's Comment
Prosecutors deserve better

These legal professionals, who are entrusted with upholding the rule of law, face numerous challenges that compromise their ability to effectively carry out their duties.Elsewhere in this edition, we carry a story on the lamentations of the officers of court.The prosecutors have raised a number of concerns, calling for urgent attention from all relevant stakeholders, including the President, Minister of Justice and the Attorney General. Their...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up