Leo ga le kgaoganngwe

Setswana sa re, 'Mookodi wa pula o beelediwa ntlheng tsotlhe.' Se raya gore, botshelo bo lekwa ka ditsela tse di farologanyeng. E re go padile fa, o leke ka fale. A dira jalo Rre Ratang Ramosielele, a nna le tsela ya gagwe ya go leka botshelo. Re utlwa fa monna yo, a dira digalase tse di nwelang, a baakanya tse di thubegileng, e bile o dira dipone; mo go tse tsotlhe, a dirisa digalase tse di dirisitsweng.

Go bolelwa fa Rre Ratang Ramosielele, a tsenye sekole mme a felela ka lokwalo lwa mophato wa boraro (Form 111). Bangwe e a re ba sa kgona go tswelela le dithuto tsa bone, ba itlhoboge. E re morago ga sekole, ba se ke ba nne le mogopoplo ope wa go ka leka botshelo. Ba, ba lebale gore, mpepi e a ipelegisiwa.

Go a bonala ga se ka ga nna jalo ka Rre Ramosielele. A bona gore, ga go reye gore, fa a sa kgona kwa sekoleng, go felela foo. Jaaka re utlwa, a tlelwa ke leano la go itshetsa ka diatla. A se ka a leba gore, mongwe o tlaa tswa koo, a tla go mo direla.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up