A re bue ka lesupi le lebadi

E a re ba ruta Setswana, le sone Sekgoa, ba re go na le dikarolo tsa puo (parts of speech). Dikarolo tsa puo di thusa go aga diele (sentences) le go tlhalosa dilo dingwe mo dieleng tseo.

Gare ga tsone go leina (noun), leemedi (pronoun), le lediri (verb).

Fa ba fetela pele, ba re dingwe tsa dikarolo puo  tse, ke ditlhaodi (qualificatives). Ditlhaodi di tlhalosa dilo ka go di tlhaola mo go tse dingwe. Dingwe tsa ditlhaodi tse ke lesupi (demonstrative) le lebadi (enumerative). Mmualebe o lemogile gore, fa go kwalwa Setswana, batho bangwe ga ba kgone go farologanya lesupi le lebadi. E le eng go nna jaana? E le ka gore, gantsi ditlhaodi tse, di dirisa mafoko a a tshwanang, mme a farologanngwe fela ke gore, a kwalwa jang.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up