Leruo le tswa ka metse kwa Kgatleng

No Image

Khansele ya Kgatleng e tsere tshwetso ya gore leruo le ntshiwe mo metseng ka le kgoreletsa ditiro di le dintsi tsa ditlhabololo, le gone go senyetsa bangwe mo malwapeng a bone le gone go baka dikotsi mo ditseleng.

Fa ba lephata la molao la khansele ba ntse ba buisa diphuthego tsa kgotla go ralala kgaolo yotlhe ya Kgatleng, ba bolela fa barui ba sa bolo go kopiwa gore ba ntshe leruo la bone mo metseng, mme ba le ise kwa masimong le kwa merakeng. Fela kop e, go lebega fa barui ba ntse ba e ikgatholositse gotlhelele, eleng seo badiragatsi ba molao wa khansele ba boneng go le botoka gore ba eme ka dinao go ntsha taelo e e nang le molaetsa o o gagametseng.

Barui ba boleletswe gore diruiwa tse di akaretsang dihutshane, ditonki le dikgomo ga di sa tlhole di amogelwa go nna mo metseng e e, mme ebile taolo e ya gore di ntshiwe, go sena jaaka ope a ka e ganetsa ka go tla a nna le dikgato tsa semolao tse di maleba.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up