Kago ya kokelo ya Tsabong e tlhomamisitswe

Sepatela sa Sekgoma. Banni ba Tsabong ba eletse go agelwa sepatela jaaka se..
Sepatela sa Sekgoma. Banni ba Tsabong ba eletse go agelwa sepatela jaaka se..

Pego e e sa tswang go rebolwa ke lephata la Botsogo le Boitekanelo e bolela fa kago ya kokelo e ntsha ya Tsabong e tla agiwa ka fa tlase ga lenaneo la ditlhabololo la NDP11 la ngwaga wa 2018/19, kana ka tiriso ya lenaneo la motsosa itsholelo (ESP 1) la bobedi.

Ka go ya kokelo e, e tla lopa puso di dikadike tsa di pula dile makgolo a mabedi le boferabobedi (P280miilion). Pego e tswelela e tlhalosa fa ditlhwatlhwa di tla sekwasekwa gape morago ga go dirwa ga moalo wa kago.

Kago ya kokelo e, e tla dirwa kwa setsheng se se bonweng kwa Tsabong kwa kgotlaneng ya Nhake, gaufi le sekole se se potlana sa kgaolwana e. Se tlaabo se bapile le mabitla a kgotlana eo le matlo a BHC.  Bogolo jwa setsha seo ke di ekere dile masome a mabedi (25.6Ha). Go bolelwa fa kokelo e etla akaretsa malao a balwetsi ale masome a supa (70), ga mmogo le dikago tsa matlo a boroko jwa Bodiredi dile masome a marataro le botlhano (65).

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up