Kgokgontsho ya basadi e a gola

Lefatshe la Botswana go lebega le santse le na le tiro e tona ya go ruta banna ka go lwantsha kgokgontsho ya bong, bogolo jang mo go basading le bana ba basetsana ka banna ba tsweletse ka maitsholo fela a a ferosang sebete mo basading.

Nngwe ya ditirafalo tse tsa go sotlaka basadi e ne ya dirafala kwa mapalamelong a dipalamo tsa setshaba ka Mosupologo mo toropokgolo Gaborone, sengwe se se kgadilweng thata ke bontsi jwa Batswana le makgotla a twatsho kgokgontsho ya bong.

Letsatsi la Mosupologo le tlhabile ka bontle fela jaaka gale, mme banna bangwe ba go lebegang ba na le mowa o o maswe wa go sotla basadi le go ba iletsa go akola kgololesego ya bone ya go apara, ba ne ba tlhasela mosadi ba mo apola le go mo kuelela fa gare ga batho. Fa banna ba ba dipelo di setlhogo ba ba dira jaana, bangwe gape ba ba tshwanang le bone ka go akanya ba bona go ba siametse go kapa mosadi yo ditshwantsho, mme ba di manega mo metsweding ya ditlhaeletsanyo jaaka Facebooko go bonwa ke mongwe le mongwe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up