Mogobagoba o thulanye le kolotsana

No Image

PALAPYE: Mapodisi a pharakano a Mahalapye a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone monna wa dingwaga tse masome a marataro le bone (64), a tlhokafetseng morago ga gore koloi ya modiro wa Toyota Hilux ea neng a tsamaya ka yone, e thulane le ya mogobagoba ya dithoto mo tseleng ya Martins Drift le Palapye ka setlhoboloko sa Mosupologo.

Mogolwane wa mapodisi a tsela, Assistant Superintendent Kgosienalerona Sechoni a re, ba belaela fa mokgweetsi wa teraka a ne a kgweetsa ka lobelo le le kwa godimo ka jaana go lebega a ne a setse sekotsekara sa ditonki morago. A go lemotshega fa ene yare a lemoga gore o setse se atumetse thata, a leka go fapogela ka fa moleng wa letsogo la moja, mme ka maswabi a fitlhela dikoloi tse dingwe di setse di le gaufi, ya Toyota Hilux ele nngwe ya tsone.

Sechoni a re, gangwe le gape ba gakolola le kgalemala bakgweetsi go fokotsa lebelo mo ditseleng. A re mabapi le tiragalo e, go lebega go kgweeditswe makgwakgwa mme kotsi ya gapa botshelo jwa rre yoo, fa mopagami yo aneng a na le ene, a bone dikgobalo tse di masisi,”arialo Sechoni.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up