Ba Sebele ba tlaa ja sengwe

Disupiwa tsa dihutshane tsa maduo a lenaneo la nyeletso lehuma SENEPE ZOLANI KRAAI.jpg
Disupiwa tsa dihutshane tsa maduo a lenaneo la nyeletso lehuma SENEPE ZOLANI KRAAI.jpg

Mothusa tona wa Lephata la Merero ya ga Tautona, Tsamaiso-puso le Bodirelapuso, Thato Kwerepe, a re banni ba kgaolo ya Sebele ga ba ise ba kgone go thusiwa ka lenaneo la Nyeletso Lehuma.

Kwerepe o buile jaana kwa palamenteng bosheng, a bolela fa go sa sologelweng molemo ga banni ke lenaneo le, go sa reye gore ba rontshitswe tshwanelo e Batswana ba bangwe ba e bonyeng. O boletse fa e rile ngogola, kgwedi ya Phukwi e le masome mabedi le borobabobedi, go ne ga kwadisiwa batho ba le babedi fela mo go ba le lesome.  A re, ba babedi bao, ba kgonne go sekwasekwa e bile ba ne ba kopiwa go lere mekwalo ya maikano go tlhofofatsa dikopo tsa bone.

“Ke ka re baikopedi ba babedi ba ba sekasekilweng ba emetse go thusiwa ka madi a tse ba eletsang go di dira, go inamola mo lehumeng la nta e tshetlha. Ba tlaa thusiwa ka ngwaga wa madi wa 2017/18,” a tlhalosa jalo Kwerepe, yo gape e leng mopalamente wa Ngami.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up