Dingongora ga di tlhoke tshenyo

Beke e e fetileng e ne wa wela ka matlhotlha pelo jaaka baithuti ba Mmadikole(UB), ba ne ba tsena ntweng ya go tsogologela sekole mo go se ba neng ba re ke go batla dikatso tsa bone tsa madi, a a ntseng a bonale, mme ba ne ba senya dithoto ka bontsi gammogo le gone go tsena mo marekisetsong go tsaya dithoto tsa bagwebi bangwe.

Gone le fa gongwe e ne e le tshwanelo ya bana go supa dingongora le selelo sa bone, bogolo jang ka ba re ditsebe tse di tshwanetseng go ba reetsa di kabane ka ditshoka, go ne go sa siama gore baithuti ba ba senye dithoto dipe fela, bogolo jang tota fa re lebile tsa bagwebi ba bone ba sa amegeng mo kgannyeng ya dikatso tsa bone gotlhelele.

Go setse go supafetse go ralala lefatshe lotlhe gore motho fa a ngongorega o tshwanetse go buiwa le yo a ngongorgang ka ene, mme fa a sa mo reetse o ka di tswelela ka go kopa mo pusong go dira ditshupegetso, tse gale e leng megwanto, mme ra re a megwanto e, e seka ya nna e e bayang matshelo le dithoto mo diphateng jaaka re bone ka baithuti ba Mmadikole bosheng.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up