Kaelo o setswe ke botubi morago?

Wire Kaelo ke mongwe wa bakatisi ba Batswana ba ba nang le kitso le maitemogelo a a kwa godimo a tiro ya go katisa. Fela go lebega a setswe morago thata ke botubi jwa go tlhoka lesego jwa go nnela ruri le setlhopha.

Erile bosheng a bo a belegisiwa mesobana go tswa ka kgoro ya setlhopha sa Notwane le ntswa se dira sentle mo liking ya ntlha ya setshaba ya Debswana.

Setlhopha sa Notwane se ne sa seka sa dira sentle mo ngwageng ya ntlha se sena go wela kwa tlase mo liking e ya Debswana, bogolo jang mo metshamekong ya sone ya ntlha. Ka nako eo bontsi jwa barati le balatedi ba kgwele ya dinao le bone ba Notwane, ba ne ba setse ba dumela gore e ya go fetela kwa liking ya ntlha ya dikgaolo. Fa ba neng ba setse ba itlhoboga teng, mongwe a ba bolelela ka mokatisi Kaelo Wire Kaelo yo o itsegeng thata ka go falodisa ditlhopha tsa liki ya Debswana. Ene ka nako eo ne a le kwa setlhopheng se sengwe wa Debswana sa Modipane United kwa Kgatleng.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up