A re nne re ye le tsone
Wednesday, October 19, 2016
E ne ya re boemong jwa gore mafoko a, a kgaoganngwe, a nne mafoko a mabedi, a tshwaraganngwa, a diriwa lefoko le le lengwefela. Jaaka re ne ra bua, se ke phoso e e diregang gangwe le gape fa bangwe ba kwala Setswana. Ra re, ke sengwe sa dilo tse di bolayang Setswana.
Lengwe la mafoko a re neng ra a ntsha e le sekai sa diphoso tse Naledi e di dirileng ke lefoko ‘yoo.’ Kwa tshimologong ya polelo ya Malomatsebe, Naledi e bua gore batho ke dibopiwa tsa Modimo mme ya re, ‘Mongwe le mongwe yoo tshotsweng ke mosadi ke sebopiwa sa Modimo.’ Re ne ra re lefoko ’yoo’ ga le a dirisiwa sentle ka gore fa, Naledi e le dirisitse e le lesupi (demonstrative).
The chieftainship spats between Seretse and Khama’s uncles have purely degenerated into a permanent elephant in the room and it does not seem anyone cares to ensure this hurdle is dealt with promptly for the attainment of peace for GammaNgwato’s bogosi.Just as the proverbial, when two elephants fight, it is the grass that suffers aptly suggests, and so is the state of the institution of bogosi in GammaNgwato.Such is the case because the...