Kubetsano e bifela pele kwa Radisele

Kgosi Chritian Ntebele
Kgosi Chritian Ntebele

RADISELE: Kgotlhang ya bogosi le morafe wa Radisele e santse e le kgakala le go robalelwa ke ditlhokwa jaaka e rile bosheng banni ba motse oo ba gana go amogela Shatani Mmereki yoo neng a tshwanetse go tsena mo leemong la ga Kgosi wa pele Kakanyo Botoka yoo ithotseng tiro eo.

Banni ba supile fa ba batla go itlhophela moeteledipele wa bone eseng yo ba mo bewang pele. Ya re amogela morafe kwa phuthegong ya Kgotla bosheng, mothusa Kgosi ya Radisele, Christian Ntebele o ne a tlhalosa fa Kgosi Masego Olebile wa Palapye a kopile marara a motse go sekaseka yoo tla tlhatlhamang Kakanyo Botoka le ene Ntebele ka sebele, ka jaana le ene a tloga latlhela ka lebaka la bogodi kgwedi eno e ya fifing.

Ntebele o ne a re Kgosi Olebile o ba tlhaloseditse gore Kakanyo Botoka ga e sa tlhole ele Kgosi ka mabaka a a ka sekeng a a bua. A re ka jalo ba ne ba kopiwa go tla ka maina a mabedi a ba eletsang e ka nna dikgosi.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up