Captain Dira: ntsanyana ya maitaya sebatana

Captain Dira
Captain Dira

Captain Dira ke lekolwane e le opelang mmino wa Setswana le borankana ka lorato le pelo ya gagwe fela yotlhe, ga a tlhabeletsa pina, moreetsi o kgona go utlwa mafoko a gagwe otlhe ka tlhamalalo ka lentswe la gagwe e le le tlhapileng sentle.

Molotsana wa lone o dira gore motho ope fela yo o ka tswang a itewa tsene ke sengwe a patelesege go reetsa, mme ebile fa gongwe a gadime go bona gore moopedi yo o ka tswa a ja motwane ka mokgwa ofe.

Fa a buisana le Naledi mabapi le botshelo jwa gagwe, gammogo le yone kopelo e ya mmino wa boranakana, Captain Dira o boletse fa ene e le lekolwane fela la Morolong go tswa kwa Matsiloje, mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. A re o belegetswe mo kgotleng ya Mokwena kwa Kgosing ka kgwedi ya Phatwe e le lesome ngwaga e le wa 1985, e le ngwana wa bobedi mo lapeng la ga raagwe le maagwe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up