Gole o raya kgakala

Mmualebe o setse a kile a bua gore ga a lelele fela gore Setswana ga se buiwe sentle mme o lediwa gape ke gore le go kwalwa ga se kalwe sentle. Kgang ya ga Mmualebe ke gore, ba le bantsi fa ba bua kgotsa ba kwala, ga ba ele tlhoko gore ba bua jang, ba kwala jang.

Batho ba ba dumela gore, fela fa ba setse ba buile kgotsa ba kwadile ka fa ba kwalang ka teng, go siame, go tlaa utlwala gore ba reng. Ee, nako nngwe go ka balega, ga utlwala, mme gone e se gore go kwadilwe sentle. Bokoa jo jwa go tlhoka go kwala Setswana sentle bo ntse bo tsweletse.

Gompieno re kopana le Naledi e bua ka segwere sa carrot. Fela jaaka e a tle e nne e bue ka maungo le merogo e mengwe, Naledi gompieno e bua ka botlhokwa jwa carrot mo mebeleng ya rona. Naledi e thaya kgang ya yone ka go tlhalosa gore carrot ke segwere se se ntseng jang. Ga twe carrot e sukiri e bile e a gautsega. Ka mmala e lephutshe le borokwa mme gape e ka nna bohibidu le bosweu. Dilo tse ke tse re di itseng ka jaana re dirisa carrot thata mo malwapeng a rona.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up