Diva Vebrok o itatlhela mo sepolotiking

Vebrok
Vebrok

Moopedi wa mmino wa House-Kwasa Veronica Brooks yo o tumileng mo mererong ya mmino ka leina la Diva Vebrok a re o rwala ditlhako tse disha jaanong, tse a reng di mo lebisa mo sepoloking morago ga go kopiwa ke baagi ba kgaolo ya gagwe go dira jalo. A re “goroga 2019 ke tla a bo ke emete bokhanselara kwa motseng wa Karakubis.”’

Mo puisanong le Naledi maabane, Diva Vebrok a re ka na batho ba le bantsi ba mo amanya thata le Mochudi, Kgatleng, ntswa ene e le motho wa Gantsi ka ke gone kwa raagwe a tswang teng, fa kwa Mochudi e le kwa go tswang maagwe. “Ga ke motho wa Mochudi, ke tswa Karakubis nna, Mama ke ene a tswang Mochudi, eseng nna,”Diva Vebrok o tlhalosa jalo a le motlotlo ka legae la gagwe.

Fela o gatelela gore o goletse kwa gabo raagwe, kgotsa kwa ga bone, kwa baagi ba teng ba mo itseng fela thata, ebile e le bone barotloetsi bagolo ba mmino wa gagwe ka e le morwaraabone yo ba mo godisitseng, kgotsa bangwe a godile le bone.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up