NACA e akgola BONEPWA

Dikago tsa NACA
Dikago tsa NACA

TLOKWENG: Mogolwane kwa lekalaneng la bogokaganyi jwa mananeo a twantsho mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS (NACA), Mothusi Kenosi, a re go maleba gore lekgotla la mekgatlho ya batho ba ba tshelang le mogare wa HIV (BONEPWA+) le akgolelwe go itharabologelwa mo seemong sa dikgwetlho tsa botsamaise le bogogi le letlhoko la madi.

Kenosi o buile se jaaka a ne a bula semmuso bokopano jwa ngwaga le ngwaga jwa BONEPWA+ beke e e fetileng.

O boletse fa lekgotla la BONEPWA+ fela jaaka a mangwe mo Botswana a a itebagantseng le go thusa puso mo go lwantsheng mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS, a ne a lebanwa ke dikgwetlho tsa letlhoko la madi mme seemo sa dira gore mananeo a one a kgoreletsege.

Editor's Comment
Gov’t must rectify recognition of Khama as Kgosi

While it is widely acknowledged that Khama holds the title of Kgosi, the government’s failure to properly gazette his recognition has raised serious concerns about adherence to legal procedures and the credibility of traditional leadership. (See a story elsewhere in this newspaper.) Recent court documents by the Minister for Local Government and Rural Development, Kgotla Autlwetse, shed light on the intricacies of Khama’s recognition process....

Have a Story? Send Us a tip
arrow up