MaXhosa a ipelela ngwao

No Image

Makgolokgolo a merafe ya Botswana e ne e tshologetse moletlo wa go tlhomiwa ga Kgosana ya tetlanyo kwa motseng wa Bikwe, eleng Kgosi Nkosiyabo Mngqibisa.

Mokete o, o diragetse ka matlhatso a re tswang mo go o ne. Magareng ga merafe e, ya bo le MaXhosa a motse oo, a letso la Amahlubi. Gape gole MaXhosa a tswang kwa Mahalapye le dikgaolo tse dingwe jaaka tsa Molepolole le Mochudi, tota le bangwe go tswa kwa Borolong le Aferika Borwa.

E re ka e ne ele peo ya kgosi, go ne go se thona go supa boitumelo ga banni ba Bikwe jaaka ba ne ba opela dikoma le mmino wa setso sa bone. Mengwe ya e eneng e kgatlhisa thata, e bile e ne ya emeletsa Kgosi Kebinatshwene Mosielele le Mothusa Tautona Mokgweetsi Masisi, ya bo ele wa go itumelela go goroga ga basimane ba MaXhosa fa ba tswa di thabeng, morago ga go arwa letloa la bonna. Ba opela jalo supa go rwala maikarabelo a go simolola lewapa.

Editor's Comment
Prosecutors deserve better

These legal professionals, who are entrusted with upholding the rule of law, face numerous challenges that compromise their ability to effectively carry out their duties.Elsewhere in this edition, we carry a story on the lamentations of the officers of court.The prosecutors have raised a number of concerns, calling for urgent attention from all relevant stakeholders, including the President, Minister of Justice and the Attorney General. Their...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up