Keledi ya ga Khama e gosomanya pula

Merwalela e tsweletse ka gosomana mo ebile maborogo mangwe jaaka jo jwa kwa Moshupa bo gosomeditswe ke dipula tsa bosheng. PIC: ZOLANI KRAAI
Merwalela e tsweletse ka gosomana mo ebile maborogo mangwe jaaka jo jwa kwa Moshupa bo gosomeditswe ke dipula tsa bosheng. PIC: ZOLANI KRAAI

E rile ngogola Naledi ya gatisa ditiragalo tsa meletlo ka go farologana go ralala lefatshe leno jaaka Botswana a ne a ipelela dingwaga tse masome a matlhano a ipusa (BOT50). Mo moletlong e, bontsi bone bo lopa Modimo go tsweledisa kagiso le thokgamo e e renang mo Botswana.

Mo molaetseng wa gagwe kwa moletlong-mogolo wa BOT50 kwa lebaleng-legolo la metshameko la sechaba, Tautona Lt General Dr Ian Khama o ne a oketsa puo ya gagwe e a e kwaletsweng, mme ka thapelo a kopa Batswana botlhe go obama le ene go rapelela pula. Khama o ne dira jalo ka mowa le tebego ya sefatlhego se se tletseng khutsafalo a lopa modimo go nosetsa Batswana pula ee namagadi.  Thapelo e ya ga Tautona Khama e ne ya tlogela bontsi bo dumela fa Khama a rapetse ka mowa o o tletseng lenyora le khutsafalo. Jaanong lefatshe la Botswana le tshologelwa ke dipula tsa merwalela le mo ngwageng o mosha wa 2017.

Le ko sekakeng sa Kgalagadi le Ghanzi e a gosomana. Ngwaga ya 2016 erile go laela Batswana ya tsamaya ka dipula tse dintsi thata, bogolo jang kwa dikgaolong tsa Legare, Bokone, Bokone Botlhaba le Chobe. Dipula tse tsa boa gape tsa gorosa ngwaga o mosha wa 2017 ka bontsi, bogolo jang mo kgaolong ya Borwa e jaanong e itemogelang merwalela.

Editor's Comment
Prosecutors deserve better

These legal professionals, who are entrusted with upholding the rule of law, face numerous challenges that compromise their ability to effectively carry out their duties.Elsewhere in this edition, we carry a story on the lamentations of the officers of court.The prosecutors have raised a number of concerns, calling for urgent attention from all relevant stakeholders, including the President, Minister of Justice and the Attorney General. Their...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up