Dino ga di fele

E rile dilo di ise di nne dintsi, di ise di tlale lefatshe, e ne e a re Motswana a bua ka bojalwa, a bo a raya bojalwa jwa Setswana kgotsa jwa mabele, jo a neng a bo itirela mo gae.

Kwa ntle ga bojalwa jo, go ne go ka tlhatlhelwa khadi, ga dirwa jwa morula, bangwe gape ba dira jwa legapu. Dilo tse tsotlhe di ne di bidiwa dino. Malatsi ano, lefoko ‘dino’ ga le utlwale thata mme boemong jwa lone, gantsi go dirisiwa lefoko ‘nnotagi.’

Ba ba bolelang ba re, nako ele, fa bojalwa e sa ntse e le jwa Setswana fela, go ne go nowa sentle, go se na ope molato. Ba re, bojalwa bo ne bo tsewa e le selo sa go intsha lenyora, selo sa maitiso le go itlosa bodutu. Ba re, nnyaa, le ngwana o ne o ka mo hupisa fela, go se na ope molato.

Editor's Comment
Prosecutors deserve better

These legal professionals, who are entrusted with upholding the rule of law, face numerous challenges that compromise their ability to effectively carry out their duties.Elsewhere in this edition, we carry a story on the lamentations of the officers of court.The prosecutors have raised a number of concerns, calling for urgent attention from all relevant stakeholders, including the President, Minister of Justice and the Attorney General. Their...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up